Romans 3

Ditshwanelo tsa Bajuta

1Mme go thusang go nna Mojuta? A go na le botlhokwa bongwe mo thupisong ya Sejuta? 2Ee, go nna Mojuta go na le dithuso di le dintsi. Santlha Modimo o ne wa ba neela melao ya one ka go ba ikanya [gore ba tle ba itse mme ba dire go rata ga one]. 3Boammaaruri ke gore, bangwe ba bone ba ne ba sa ikanyege, mme fela ka ntlha ya gore ba ne ba senya ditsholofetso tsa bone mo Modimong, a seo se raya gore Modimo o tlaa senya ditsholofetso tsa one?

4Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.

5Mme bangwe ba re, “Mme go senya tumelo ya rona mo Modimong go siame, tsa rona dibe di bontsha tshiamo, gonne batho ba tlaa lemoga gore Modimo o siame thata jang fa ba bona ka fa re leng maswe ka teng. A go siame jaanong, gore o re otlhae fa dibe tsa rona di o thusa?” (Ke ka fa batho bangwe ba buang ka teng.) 6Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang? 7Gonne o ne o ka seka wa ntshekisa wa bo wa nkatlhola ke le moleofi fa go tlhoka go ikanyega ga me go ne go o leretse kgalalelo ka go supa go ikanyega ga one fa go tshwantshanngwa le maaka a me.

8Fa o tsweletse ka mogopolo o o reng: Modimo o itumela fa re le baleofi! Katlholo e go emetse wena yo o buang dilo tse di ntsengjaana. Legale bangwe ba re ke sone se ke se rutang se!

Ga go na mosiami

9Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.

10Jaaka dikwalo di bua, “Ga go na ope yo o siameng, ga go na ope mo lefatsheng lotlhe yo o senang molato.”

11Ga go na le fa e le ope yo o kileng a tsamaya sentle mo ditseleng tsa Modimo, kgotsa le fa e le go batla go tsamaya mo go tsone ka boammaaruri.

12Botlhe ba leofile ba fapogile. Ga go na ope le fa e le kae yo o tsweletseng pele a dira se se siameng; le fa e le a le mongwe.

13Dipuo tsa bone di leswe ebile di bosula jaaka monkgo wa sebodu o o tswang mo phupung e e atlhameng. Diteme tsa bone di tletse maaka. Sengwe le sengwe se ba se buang se na le lobolela le botlhole jwa dinoga tse di bolayang.

14Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka.

15Ba bofefo go bolaya, ba ila le fa e le mang yo o sa dumalaneng le bone.

16Gongwe le gongwe kwa ba yang teng ba tlogela tshotlego le matshwenyego kwa morago, 17le gone ga ba ise ba ke ba itse tsela ya kagiso le fa e le go akola masego a Modimo.

18Ga ba boife sepe kaga Modimo le fa e le se Modimo o se gopolang kaga bone.

19Jalo tshegetsa melao ya Modimo mo boemong jwa go dira dilo tse tsotlhe tse di bosula; ga go na le fa e le ope wa bone yo o nang le seipato; ka boammaaruri lefatshe lotlhe le didimetse ebile le molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.

20Jaanong a lo lemoga sentle? Ga go na le fa e le ope yo o ka siamisiwang mo ponong ya Modimo ka go dira se molao o se laolang. Gonne fa re ntse re tswelela ka go itse melao ya Modimo, re simolola go lemoga sentle gore ga re e obamele; melao ya one e dira gore re bone gore re baleofi.

Boutlwelobotlhoko jwa Modimo

21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Baroma 3:22.
22
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Baroma 3:21-22.
Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng “ka go siama ga rona” le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo). Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa “re se molato” fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang.
23Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo; 24mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.

25Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe. 26Mme jaanong le mo malatsing ano, o ka amogela baleofi ka yone tsela e, gonne Jesu o tlositse dibe tsa bone. A mme tota golo mo go siame gore Modimo o golole badira bosula, mme o bo o re ga ba na le fa e le molato ope? Nnyaa, gonne o go dira ka go ikanya ga bone mo go Jesu yo o tlositseng dibe tsa bone.

27Mme re ka ipelafatsa ka go dira eng gore re bone poloko? Ga go sepe gotlhelele. Ka go reng? Gonne kgololo ya rona ga e a ikaega mo ditirong tsa rona tse di molemo; e ikaegile mo go se Keresete o se dirileng, le tumelo ya rona mo go ene. 28Jalo go raya gore re bolokwa ka tumelo ya rona mo go Keresete e seng ka ditiro tse di molemo tse re di dirang.

29A mme Modimo o boloka Bajuta fela ka yone tsela e? Nnyaa, le Badichaba ba ka tla kwa go ene ka yone tsela e. 30Modimo o re tsaya fela ka go tshwana; botlhe fela, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba, ba a gololwa fa ba na le tumelo. 31Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri.
Copyright information for TsnLEF